Lefatshe la Botswana le itemogetse tlhagogo ya bolwetsi jwa Tlhako le Molomo. Mothusa Tautona, Rre Ndaba Nkosinathi Gaolathe, o kgothaditse sechaba go tsibosa lephata la matlhoko a leruo ka malwetsi ape fela a leruo, a ba a itemogelang. O buile se a buisa phuthego ya kgotla maabane ko Jacklas No. 1.
Rre Gaolathe a re, mebaraka e e rekang nama ya kgomo ya Botswana ba na le tshepho thata mo lefatsheng leno ka gonne fa lefatshe leno le itemogela matlhoko a leruo ba itsesiwe. A re se, se botlhokwa go netefatsa gore lefatshe leno, le tswelela ka go tshephega, mme go nonotshe theko ya nama.
Mothusa Tautona o gateletse gape gore dikgomo di kentiwe, ebile di tlhokomelwe. O gakolotse gore go seka ga nna le ope yo o fitlhang nama kgotsa dikgomo tsa gagwe kana go di fudusetsa ko dikgaolong tse dingwe. A re go dira jalo go ka anamisa bolwetse ga ba ga phutlhamisa itsholelo.
Fa a garela, o kgothaditse barua kgomo go tswelela ka go kenta dikgomo, a tlhalosa gore go setse go kentilwe dikgomo di ka tshwara dikete di le supa.
Photos by: Ogopoleng Kgomoethata
BOPA
